Stima93

Stima93 Contact information, map and directions, contact form, opening hours, services, ratings, photos, videos and announcements from Stima93, Francistown.

15/11/2024

Ke leboga balatedi ba me ba basha! Ke itumelela gore lo bo lo tsamaya le nna! Ke Se Go Glen, Laurah Mt Zandiwe, Ga Le

Stima Stima ehe golo fa nkile abo ke le mokwadi, motlhami le morulaganyi wa ditlhamo tsa setswana.. go tlare ke boele kw...
02/11/2024

Stima Stima ehe golo fa nkile abo ke le mokwadi, motlhami le morulaganyi wa ditlhamo tsa setswana.. go tlare ke boele kwa.

....selo se nko re se rwaletse go sinalla fela, e tlalelang ka sefatlhego mme?....ijoooo..! Dilo tsa mmopi wa dilo tsotlhe ga se tse di ka ranolwang ke motho a apere boene, di batla sedimo se le gaufi thata ele sone se go ranolelang e bile o na le tsebe ya go se reetsa....

(Go bua mosadimogolo MmaKeorapetse a ntse a sutelela gaufi le mpaola oo mabetla, a eta a goga kobo ya gagwe e saleng a e rekelwa ke Keorapetse ga a simolola go berekela ko moepong wa kopore ko Selibephikwe, le one rra mariga a paka eo a ne a phaketse thata go tlhakana le mosarasarane o sa bolong go hohorega ka beke tsa bofelo tsa Moranang.. kana e ne ere fa o ka lala o beile metsi ka selwana phakela o fitlhele dikgapetlana fela.. ga o leba sentle thaba ya Mmamoilwa o le fa go ya Peleng, o ka tla ware gongwe leru le ole, go ntswe go sweusweu mo o sa boneng le tsene dipone tsa ko Thema tota..)

Waitse bana ba ka re golega, ebile ba ka re losa, ke gore ga ke gopola gore nna le Mmadikgang re kile ra jana ka meno ga nna tshwarang tshwarang ebile ke setse ke batla go bitsa bo nkadilatlha ba ba maherehere nna ke re motho o jesitse ngwanake a bona a ntirela, ruri nako e nngwe yare go e tshwara ka fa bogale re e tshupe ka yone..mme ditiragalo tse tsotlhe o ne a di itse fela a di loba, ke gore dine di diragalla ko ga gagwe..a o raa gore motho o ka ganwa ke dijo go se sepe, le one Sala o tlhapa fela a monkgela, hehehee.. tota ke ganne go bona motho a phakelela go kgwa mo go sa tlwaelesegang, a tswalega matlho, le botho e kare bo a latlhega kare owai, mosadi yo goriana o tshega le nna a itse gore o fitlhile mokgwa go batla go tswala lwapa lame ka letlhaku..
A ko tlhe mme nako ya teng ke bitse bo kgaitsadiake re botsolotse ngwana kana nkabo go ise go nne le kgotlhang gope..mme go tlaare ke fokotse bogale...
Tshepiso wee..! A ko o tlhole gore a motsetsi o apesitse ngwana serame se se bogale.. o bone gore a ga a rola mmese le tsone diatla tseo o di tsenye mo dikobong, o tabole magala gongwe a le a timile...

(A tswelela jalo mmaKeorapetse a lebile ko godimo ete o bala dinaledi, kana o ne a fatlhiwa ke mosi..! Kana bogale jwa gagwe bone bo gaisa le tsone dintja tsa maburu, bogolo jang ga a ka utlwa gotwe ngwana o rile, ijooo! O tla mofapha pele ka serwabi pele a ka utlwa kgang sentle ke gore o ereetsa a boloditse ntwa..)

Mosimanyana o na le ene o re bolaisitse serame, a mme yone P**a ya tle ene ka Moranang, ene a bo a tla Motsheganong a simolola le gone makuku, mo ke gone mo gotweng Bontshetse bo sale mahube, ngwana yo o tsile go re boloka, o tsile go boloka le sechaba...kana ga nkabo nko e re erwaletse go dupelela nkabo ke sa bolo go itse gore go kgwa mole le go ruruga matlho go kaa gore re tla tsholelwa Ntate..

Ka 01.05.19... go ile ga belegwa Bontshetse "Ntate" Benson Monakwane.. ko Lobatse yo a ileng a bidiwa Setimamolelo ka gore o ne a rata go agisana thaka tsa gagwe a rata ko go nnang go itumetswe... ke ka moo a ile a bona gore a dire project a ebitse Stima93 investments pty ltd

Ke kopa di poresente tseo..

17/10/2024

Talented Stlogo General Letso

26/06/2024
26/06/2024
Kana nkile yabo ke na le lorato la go kwala.. malatsi ano botshwakga bo nkapere mme tlhogo yone e tletse ka di polelo
01/04/2024

Kana nkile yabo ke na le lorato la go kwala.. malatsi ano botshwakga bo nkapere mme tlhogo yone e tletse ka di polelo

17/01/2024
17/01/2024

We mean nothing but business

For your favorite moments call Levin Visuals ba go direle se wena o se batlang.. dates santse di le teng..Martin Mogatle...
07/12/2023

For your favorite moments call Levin Visuals ba go direle se wena o se batlang.. dates santse di le teng..

Martin Mogatle
Le ska lebala gore Stima Stima ke mmoki wa setseno.... ijo keraa wa setswana lautlwa..

Invest on passion and loyalty..
20/11/2023

Invest on passion and loyalty..

Address

Francistown

Telephone

+26775933931

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Stima93 posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Contact The Business

Send a message to Stima93:

Share